O DIEGETSENG?

2734 - Tswana

DIKARABO TEBANG LE KEMO-KGATLHANONG YA KOLOBETSO YA BADUMEDI

Gordon Bennett

Sengwe sa tseo di tlhalosegang seo Kreste a ileng a se tlhalosa eleng thato ya Gagwe ka Kolobetso ya Badumedi. O ile a e tsaya e le botlhokwa gore a be a eumaka jaaka taelo eo e botlhokwa go barutwa ba Gagwe ka moo a ba laela gore ba rerele lefatshe. Thata eo e go a le mongwe e go ba bangwe. Se ke mafoko ao Morena o a buileng a balega mo go Matheo 28:18-20. "Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo are: Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo, lo ba rute go tlhokomela Tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke ba le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe."

Baapostolo bao ba ileng ba utlwa Morena a bua mafoko ao, le batho bao ba rutilweng ke bone ba amogetse Lefoko la Morena. Ba ne ba sena bothata mo go tlhaloganyeng seo Morena wa bone a neng a se tlhalosa. Buka ya Ditiro e lebisa ko ditiragalong tseo di neng di tlhalosiwa ke bone go tlhalosa taelo. Ba tsamaile jalo e le baromiwa ba Sefapano e ne e re fa mewa e fetogela go Kreste, baromiwa ba, ba ne ba netefatsa gore e ya kolobetswa.

Ga go na sepe go tlhagisa gore ba ne ba lokologile go diragatsa kolobetso ka mokgwa o mongwe le o mongwe. Fela jaaka maemo ao Saulo o ileng a fetolelwa ga one (Ditiro 9:1-22; Ditiro 22:1-21) kolobetso ga ise e itlhokomoloswe. Morena o rile go Saulo, "Nanoga o tsene mo motseng; o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira." (Ditiro 9:6).

Morena o ne a tshwanetse go ka be a ne a dirane le Saulo mole le mole, Mme Ga a dira seo. Go ne go na le sengwe seo Jesu o ne a reile Saulo gore o Tshwanetse go se dira. Saulo o ne a tsamaisiwa go ya motseng wa Damaseko, mme Morena a roma mongwe wa barutwa oo o bidiwang Ananiase, e ne o rile go Saulo: "Jaanong o diegelang? Nanoga o kolobediwe, o be o tlhapisiwe dibe tsa gago o ntse o bitsa leina la gagwe." (Ditiro 22:16).

Saulo o ile a diragatsa taelo e, jang? O ile a "ema a kolobediwa." O ne a SENA BOIKGETELO jwa go gana kolobetso. Bonneteng o ne a sa batle maipato, mme o ne a batla go ithuta thato ya Morena le go e diragatsa.

A ga go makatse ka ba le bantsi bao ba bolelang ba rata Morena ba batla go ipata ka go sa dire sengwe sa tseo Morena a neng a di laoletse Paulo go se di dire? Ke tla umaka dingwe tsa maipato ao, le gore di arabiwa bonolo jaang ka Lefoko la Modimo.

(1) "Ga go tshwenye gore a re kolobeditswe kgotsa nyaa; ga go tlise pharologano go rona."

Go bua gore ga go tshwenye fa re obamela Kreste kgotsa nyaa, ke go dira lefoko la go Kreste le e seng la sepe kgotsa le senang bokao. Se se tla be se raya gore Jesu o kopa batho go dira dilo tseo e seng tsa sepe, mme di sena mosola. Go tota go le mosola go Kreste, ke ka moo a laetseng ka kolobetso. Go bolela gore kolobetso "ga e mosola" e tota e le go rogaka botlhale jwa ga Kreste, le go sa tseye maatla a gagwe ka sepe.
Fa e le gore kolobetso ga e mosola, goreng Paulo a ile a laela banna ba le somepedi ba-Efeso bao ba neng ba kolobeditswe kolobetso ya ga Johane gore ba kolobediwe gape?

(2) "Ke ile ke a kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo ka moo ga ke tlhoke kolobetso ya metsi."

E ne e le ka Mowa o o Boitshepo go Jesu o o ntshitseng taelo e e amanang le kolobetso. Ka Jesu Lefoko le a re: "Gonne Modimo ga wa ntshetsa Mowa o o Boitshepo ka selekano go Ene." Jesu o rile: "Mafoko ao ke a buang ga se ame, mme a ga Rara yo o nthomileng." Ka moo Mowa o o Boitshepo o ka se dire ope gore a kgapele ntle kolobetso ya metsi.

Koronelio (Ditiro 10) o ile a amogela Kolobetso ya Mowa o o Boitshepo gape One Mowa o, o buile go tsweng go kolobetso ya metsi. Ke thato ya Rara. Goreng go rapelwa: "Thato ya kolobetso ya Mowa o o Boitshepo go ela ka kolobetso. Petoro o e lebisitse a fa are: "A Mongwe a ka thibela metsi gore batho ba, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona, ba se kolobediwe?" (Ditiro 10:47-48).

Gape fa, Mowa o o Boitshepo o Laela ka kolobetso. Petoro o lebisitse go kolobetso ya Mowa o o Boitshepo go iseng go kolobetso ya metsi. Ke thato ya Rara. Goreng go rapelwa: "Thato ya gago a e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong," gape gotwe: "Ga ke batle kolobetso ya metsi?" O DIEGETSENG?

(3) "Metsi a ka se tlhatswe maleo ame, ka moo ga gona mosola o teng go tswa go one."

Ke nnete, mme Kreste o nale tshwanelo ya go tlhagisa TSA GAGWE. Fa re sa batle ka bomo go kolobediwa re tla ipolela jang gore malelo a rona a itshwaretswe? Go gana ka bomo go dira Thato ya Gagwe Ke sebe. "Gonne go yo o itseng go dira tshiamo a be a sa e dire ke Sebe."

Bonnete ga bo mo metsing, mme bo mo kgatong ya kutlo eo Kreste a e batlang. Ke Jesu yo o neng are: "yoo o sa nthateng ga a boloke mafoko ame."
(4) "Kolobetso ke setshwano fela mme ga re pholosiwe ka ditshwano le mekgapu ya bodumedi."

Ke nnete, ditshwano tseo di senang sepe le mekgapu ya bodumedi eo e tlisiwang ke motho ga e pholose. Gape ke nnete gore fa re tshepa mo setshwanong sengwe sa Lokwalo jaaka Kolobetso ya Bodumedi (go inwa) go nale go tshepa Kreste yoo a e laotseng gore e nne teng, ga rena re pholosiwa.

"Re pholositswe ka mohau ka tumelo" ebile tumelo eo e pholosang e tlhalosega ka kobamelo go thato ya Modimo. "Re pholositswe ka tumelo fela eseng ka tumelo eo itemetseng e le nosi." "Ka go le jalo, tumelo fa e sena ditiro e sule, e yosi." (Jakobe 2:17, lebelela gape temana ya 14). Tumelo eo e suleng e ka se pholose ope. Lefoko la Modimo le tota le ruta gore Jesu "O nnile mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng wa botlhe ba ba Mo Utlwang (Bahebere 5:9).

Kolobetso ke bo kwantle jwa tumelo ya rona go Kreste le boamaruri jwa Mafoko a a molemo a a amaneng le loso lwa Gagwe, Phitlho le tsogo. Kolobetso ke kgato eo e rulagantsweng Selegodimo, moo re ipolelang gore re apere Kreste; gore re sule le Ene Sebeng le go tsoga le Ene go tshela botshelo jo bo-ncha. "Ka lo fitlhilwe le Ene kolobetsong. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing." (Bakolose 2:12). Kolobetso kwantle ga tumelo ga e na bokao. E fitlhelela tseo di batliwang ke Morena jaaka e le tlhagiso ya motho yo o kolobeditsweng ka tumelo.

(5) "Kolobetso ke taelo fela."

Go bua ka mokgwa o, ka kolobetso ke go tsaya Kreste bofefo le go nyatsa lefoko la Gagwe. A go na le sengwe seo se ka nnang botlhokwa go feta motlhanka o o tshepagalang wa ga Kreste go nale ya fa go Morena Jesu? Gakologelwa, e ne e le "taelo fela" ya Modimo eo Adamo le Efa ba ileng ba seka ba obamela gore lefatshe le be le nne la sebe ka moo he loso lwa nna teng. A o nagane ka kgonego e, fa o sa obamele taelo ya Kreste? O DIEGETSENG?

(6) "Ke nnile Mokreste dingwaga tse dintsi ka moo ga ke tlhoke go kolobediwa."

O tota o le ene yo tshwanetseng go kolobediwa. Fa o le Modumedi o tshwanetse go kolobediwa gonne kolobetso ke ya badumedi.Kolobetso e latelwa ke go amogela thuto ya Bokreste. Jesu o boleletse barutwa ba Gagwe gore "BA RUTE" morago ba "KOLOBETSE."

(7) "Legodu le a go swa sefapanong le ne le sa kolobediwa mme; ka moo ga go tlhokege gore ke kolobediwe."

Ke nnete gore legodu le ne le sa kolobediwa, mme re gopole gore re tla se tsene Mmusong wa Modimo ka go pagama mokwatla wa legodu. Go nale dilo dingwe tseo ke ratang go di tlhalosa go lona:

(a) Legodu leo le neng le swa le ne le se ka ke le a kolobetswa le le mo sefapanong.

Kolobetso ke go inwa. Go kgatswa ka metsi mo mothong go tota go sena bokao bope e bile go dira lefoko la Morena lefela. Morena ga a re kopa go dira seo se sa kgonegeng mme fa a re kopa go dira sengwe, O solofela gore re se dire.

Ledodu lea go swa le ne le kgapetswe kwa thoko ka ntlha ya maemo a a sa letleng, ka moo o ne a sena boikgetelo jwa go natefelelwa ke Kolobetso ya Badumedi.

(b) Legodu le a go swa,ga le a kwa la kopiwa go kolobediwa.

Ga go na sepe se a go re tlhagisetsa gore o ile a kopiwa. Fa kolobetso ene e kgonega mme e bile Morena a ne a ile a mo kopa go bontsha lorato lwa gagwe le botshepegi go Ene ka go kolobediwa, a o nagana gore legodu le a go swa le ne le tla ganela Morena wa lone kgato e, ya botshepegi le boineelo go Modimo?

(c) Taelo e kgolo ya go tsenya tirisong taelo ya kolobetso go bao e nnang barutwa (lebelela Matheo 28:19-20) ga ya REBOLWA GO FITLHA LOSO LE TSOGO YA GA JESU E NNA TENG.

Se se nnile morago ga loso la legodu mo sefapanong ka moo se, se ne se sa mo lebana, mme se lebane WENA. Se lebane botlhe bao ba utlwang Mafoko a a Molemo. Fa re tla felong ga pholoso le ga ditshegofatso tsa ga Kreste seo e leng thato ya Gagwe.

Kolobetso ya ga Johane e nnile teng pele ga loso lwa ga Kreste, mme ene e nale pharologano le kolobetso ya Bokreste. O DIEGETSENG?

(8) "Ga ke ikutlwe ke batla go kolobediwa."

Motlhamongwe nyaa. Go ikaegile ka moetapele wa kereke eo o e tsenang. Bontsi ga jwa kolobediwa e le ka ntlha ya gore bo sa tlhaloganye thato ya Morena ka se. Bo setse morago dithuto tseo e seng tsona jaaka go kgatswa ga bana ka metsi.

Fa moetapele wa gago e le KRESTE JESU, O go neile ketapele eo e siameng ka go ntsha taelo. Ke ketapele efeng e e tlhokegang? Mowa o o Boitshepo ga o re dire gore re nne kgatlhanong le dithuto tsa ga Kreste le barutwa ba Gagwe ba ba tlhotlheleditsweng.

Mowa o o Boitshepo O dirisa LEFOKO go re bontsha le go re goga. "Lefoko la Modimo ke tshaka." Go gogiwa Ke Mowa go raya go latela tsamaiso e e tlhagisitsweng Ke Mowa o o Boitshepo ka tlhotlheletso ya LEFOKO.

(9) "Ke kolobeditswe fa ke santse ke le lesea, ka moo ga ke tlhoke go kolobediwa gape."

Fa e le gore O kolobeditswe fa o ne le lesea itse gore seo ga se kolobetso ya Bokreste, gonne kolobetso ya Bokreste ke ya BODUMEDI eseng bana. Ga gona molao ope mo BEIBELENG o o bolelang ka KOLOBETSO YA BANA. Tota seo se itsegeng jaaka "kolobetso ya bana" ga se kolobetso gotlhelele, mme le go "kgatsiwa" kgotsa go "tshelwa" ka metsi mo ngwaneng. Se, se a diragala re a dumela se dirwa ka bojotlhe le tlotlo ke Bakreste, mme le fa go le jalo ke molao o o tswang mo mothong; motho a kgapela ntle seo Kreste a se laotseng ka seo. Kolobetso go ya ka lokwalo e batla "METSI A MANTSI" (Johane 3:23). Go TSENA ga go ya tlase mo metsing, go TSWELA KWANTLE ga metsi (Matheo 3:16; Mareko 1:9-10; Ditiro 8:38-39). Go FITLHWA le go tsoga gape (Bakolose 2:12; Baroma 6:4-5).

Se letlelele motho gore a kgapele ntle taelo go ya ka Lokwalo le go go thibela go natefelelwa ke monyetla ka go tlhompha thato ya Morena ya kolobetso. Le ngwana oo a godileng sentle go gumela a be a dumela gore Jesu Ke Mopholosi wa gagwe, o tota a lekanwe Ke Kolobetso ya Badumedi. Mme kolobetso ya bana, le seo se dirwang ke "batlhokomedi" kgotsa "bo-ntatemogolo" le "bo-mmemogolo" ga se a siama, gonne se ba se dirang ba thibela mewa go dira thato ya Morena ka go diragatsa kolobetso eo a e laotseng. E tota e le se se masisi fa motho a kgapela thato ya Modimo kwantle.

"Re tla obamela MODIMO go na le motho." O DIEGETSENG?

Gakologelwa gore le kolobetso ya ga Johane e ne e le botlhokwa moo Kreste le ene o ileng a kolobediwa. Mopholosi wa gago ke MOPHOLOSI YO O KOLOBEDITSWENG. Kolobetso eo Mopholosi wa gago a go e batlelang e ka tswa e le e e botlhokwa. Keletso e, ka nosi e tota e le botlhokwa go go tlisa mo tulong ya thato ya Gagwe.

Tota fa Jesu a ne a sa kolobetswa, One a sena go nna Mopholosi wa lefatshe. A o tlile wa nagana ka se? Se, e ne e le Setshwano "se se fetisisang" go Jesu Kreste. Motlhamongwe O nagana gore se ke polelo e e gakgamatsang. Ntle le kolobetso - ga gona Mopholosi. Ke bua se ka mabaka a a latelang:

(a) Modimo e ne e le mosimolodi wa kolobetso ya ga Johane. (Luka 20:4; Johane 1:6,13).

Kreste o dumela e ne e le ya Modimo ebile e ne e tla be e le sebe go Ene go itlhokomolosa thato ya ga Ntate wa Gagwe mo leseding la kitso eo a neng a nale yone. Fa a ne a leofile o ne a se ka ke a pholosa baleofi. Go kreste kolobetso e ne e le boineolo jo bo tseneletseng thatong ya Ntate. Modimo o ile wa Segofatsa kgato le go tlatsa morwa wa One ka Mowa o o Boitshepo A be a bontsha go Mo itumelela. (Matheo 3:16-17; Mareko 1:9-11; Luka 3:21-22). Kolobetso e ne e le tlhopho ya MODIMO eo ka yone Mesia o neng a tshwanetse go itsege kgotsa go bonagala setshabeng sa Iseraele (Johane 1:31: "Mme ke tlile go kolobetsa ka metsi").

(b) Gonne e ne e le kgato e e botlhokwa go dira tshiamo botlalo.

"KA MOO," go a bolela Jesu, "gonne go re tshwanetse jalo gore re dirafatse tshiamo yotlhe." (Matheo 3:15). Tshwantshisa polelo a, le e mo go Luka 7:29-30: "Batho botlhe, le bakgethisi ba utwile, ba INEELA MO MODIMONG (Jang?), ka go kolobediwa kolobetso ya ga Johane. Bafarasai le Baitse - molao bane BA NYATSA MAIKAELELO A MODIMO A GO BA THUSA (Jang?), ka Ba sa kolobediwa ke ene."

Fa Morena Jesu a ne a kolobediwa One A SIAMISA MODIMO. Kolobetso e ne e le kgato ya tshiamo gonne e netefatsa gore Kreste o amogetse maikaelelo a Modimo. Motlhamongwe fa a ka be a ne a sa kolobetswa, go ne go tla nna jang? Bao ba ganneng kolobetso ba nyaditse maikaelelo a Modimo go ba thusa.

Fa kolobetso ya ga Johane e ne e le botlhokwa ka nako eo a ne a tshela ka yone, a kolobetso ya Bokreste jaaka e laotswe ke Kreste a ga e botlhokwa mo nakong e, ya Bokreste?

Mo boidiiding Jesu o bontsha kgato ya gore O mo letlhakore lefeng. O ne a le mo letlhakoreng la Modimo, gonne A tlhomphile thato ya Modimo. O tsamaile dimaele di le samemarataro gore a kolobediwe, gonne O ne a itse gore go botlhokwa jang go dira thato ya Modimo.

Jaanong tsala tse di rategang, ke dirile nnete gore e nne e e tlhapileng le go e rera ka boamaruri ka lorato, jaanong ke lo tlogela ka gore lo tseye tshwetso ka se. O tshwanetse go tsaya tshwetso ka bo wena. Go ntse jalo o ba tla go nna mo letlhakoreng la ga Kreste Ka tse tsotlhe, a ga go jalo? Ke monyetla, e seng fela mosebetsi go dira thato ya Gagwe e e kgethegileng. Kolobetso e magareng a dilo tseo re tshwanetseng go di dira, fa re Mo tlhompha a re Mo obamele mo go tse tsotlhe. O DIEGETSENG?