2730 - Tswana
KOLOBETSO
Lefoko le kolobetso mo Beibeleng le tlhalosega e le go tsenya kgotsa ina. Go kgotsa ga go tseege ka gope e le kolobetso mo Beibeleng. Go kgatsa go senya leano la loso, phitlo, le tsogo ya baswi. Mo thutong e, fa re bua ka kolobetso re bua ka go inwa. Fa motho a inwa metsing go ya ka Beibele o baya tshepo ya gagwe mo losong, phitlong le mo tsogong ya ga Kreste. Gape yo o ileng a inwa metsing o natefalela ke go swa sebeng, go fitlhwa ga motho wa bogololo wa sebe le go rulela botshelong jo bo ncha mo go Kreste. Se, sotlhe se latlhegetswe mo go kgatseng.
GA SE MMEREKO
Kolobetso mo Beibeleng ga e bidiwe kgotsa ga e nagenelwe jaaka "mmereko." Batho gompieno ba e bitsa "mmereko" mme Beibele ga e bitse jalo. Mo go Bakolosa 2:12 re buisa:
"Lo ne lo kolobeditswe le ene mo kolobetsong moo lo neng lo tsositswe le ene ka tumelo e le mmereko wa Modimo, yo o mo tsositseng mo baswing."
Le go Bagalata 3:26-27:
"Go Kreste Jesu lo bana ba Modimo lotlhe ka Tumelo. Jaaka bontsi jwa lona bo kolobeditswe Kreste bo apere Kreste."
Kolobetso ke "tumelo mo tirong ya Modimo." Kolobetso ke tumelo eo re aparang ka tshiamo ya ga Kreste re nne "bana ba Modimo." Kolobetso ga se mautlwelo botlhoko a pholoso. Ke tumelo mo losong, phitlhong le tsogo e kgonang go pholosa.
KOLOBETSO E LE NNGWE FELA
Gompieno go na le kolobetso e le nngwe fela go ya Beibele. Baefeso 4:4-6 e re:
"Go na le mmele o le mongwe le Mowa o le mongwe fela jaaka lo biditswe tsholofelong ya pitso ya lona, Morena a le esi, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe, Modimo a le mongwe le Rre a le mongwe.
Go na le dikolobetso di le mmalwa tseo di umakilweng mo Beibeleng, fela jaaka kolobetso ya tlhokofatso, kolobetso ya ga Johane le kolobetso ya Mowa o o Boitshepo, le molelo. Le fa go ntse jalo go ne go na le kolobetso e le nngwe eo e neng e setse fa Paulo a kwalela Baefeso. (Kolobetso ya Mowa o o Boitshepo e tla sekasekwa kgantele mo thutong ya Mowa o o Boitshepo.) Kolobetso ya bokreste ke kolobetso e le nngwe fela eo solofeditsweng batho gompieno. Ditsholofetso ke "boitshwarelo jwa sebe le neo ya Mowa o o Boitshepo." Ditiro 2:38.
KOLOBETSO GORE SEBE SE ITSHWARELWE
Metsi a kolobetso ga se one a pholosang kgotsa a tlosang sebe. Madi a ga Kreste fela ke one fela a ka tlosang sebe. Gore madi a ga Kreste a amana jang le kolobetso seo se tla sekasekwa kgantele. Ditiro 2:38 e re:
"Petoro a be a re go bone sokologang le be lo kolobediwe mo leineng la ga Jesu Kreste go itshwarelwa dibe; lo tla amogela neo ya Mowa o o boitshepo."
Ditiro 22:16 e re:
"Jaanong lo letetseng? Emang lo kolobediwe lo tle lo tlhatswe maleo, ka go bitsa leina la gagwe."
Makwalo a, a na le bokao, a ka tota a sedimosa ka makwalo a mangwe. Lekwalo leo le tlaleletsang ka tshedimosetso mo makwalong a, ke Baroma 6:3-11 eo e balegang e re:
"A ga lo itse gore ba rotlhe re ba kolobeditsweng Kreste Jesu losong lwa gagwe? Re ile ra fitlhwa le ene ka kolobetso losong gore e re jaaka Kreste a tsositswe baswing ka kgalalelo ya Rre, le rona re tshwanetse go tsamaya mo botshelo jo bo ncha.
"Gonne fa re kopantshitswe le ene mo losong le tshwana le la gagwe, re tota re ka kopantshiwa le ene mo tsogong ya gagwe. Re a itse gore mmele wa kgale o ne wa bapolwa le ene gore one mmele o, wa boleo o senngwe le gore gape re se tlhole re nna makgoba a sebe. Gonne yo o suleng o golotswe Sebeng. Re dumela gape gore fa re sule le Kreste re tla tshela le ene. Jaaka re itse fa Kreste a tsositswe baswing ga a na go tlhola a swa gape, loso ga le tlhole le nale taolo epe mo go ene. Loso loo a le suleng o le swetse sebe, gangwe fela go botlhe mme botshelo joo a bo tshelang o bo tshelela Modimo. Ka moo o tshwanetse go itebelela o sule sebeng le go tshelela Modimo ka Kreste Jesu."
Fa motho a kolobeditswe go ya ka lokwalo o "kolobeditswe Kreste Jesu."
O "kolobeditswe losong lwa gagwe." Jesu o ile a tshologa madi losong lwa Gagwe. Johane 19:33-34 e re:
"Ya re fa ba tla kwa go Jesu ba mo fitlhela a setse a sule, ga ba a ka ba roba maoto a gagwe. Mme mongwe wa masole a mo tlhaba lethakoreng ka tshaka ka one nako eo ga tswa madi le metsi."
Ditiragalo tsotlhe tseo di dirageletseng Jesu gore a swe di bakile gore a tshologe madi. Mo losong lwa Gagwe Jesu o ntshitse madi a Gagwe. Mo kolobetsong re "kolobediwa losong lwa gagwe," koo madi a Gagwe a tshologetseng teng.
Beibele e a itlhalosa fa e re, "fitlhilwe le ene ka kolobetso. Ga se "jaaka ene", ga se "go tshwana le ene" gape "ga se go direla ene." Beibele e re "le ene." "Le" e ra ya bo mmogo kgotsa kopano. Mo temaneng ya botlhano, ke go ne mo go dirisitweng lefoko le, a fa re kopantshitswe le ene mo losong le tshwana le la gagwe." Mo kolobetsong re le tla loso lwa ga Kreste go tsaya maemo a loso loo re ka be re le bone ka ntlha ya dibe tsa rona, Baroma 6:23. Kopanong mo losong leo madi a Gagwe a ileng a tshologela teng, madi a tlosang dibe.
Tshedimosetso e mo go Baroma 6:3-11, Ditiro 2:38 le Ditiro 22:16 e na le bokao jo bo tseneletseng.Mo go Baroma 6:6 motho wa kgale wa sebe o "bapotswe" kgotsa o bolailwe. Sebe ga se laole ope yo o kolobeditsweng losong lwa ga Kreste. Temana ya bosupa e re motho "o golotswe Sebeng". Yo o kolobeditsweng dibe tsa gagwe di itshwaretswe gonne loso lwa ga Kreste le nnile boemong jwa motho wa kgale wa sebe. Madi a ga Morena Jesu a tlhatswitse motho oo wa kgale.
Ga go na ope yo o tla simololang botshelo jo bo ncha ntle le gore dibe tsa gagwe di itshwarelwe. Baroma 6:3-11 e tlhalosa gore fa motho a tsoga mo kolobetsong o tsoga gore "a tsamaye mo botshelo jo bo ntshwafetseng." Botshelo joo motho a bo tshelang morago ga kolobetso o bo tshelela Modimo. Mo kolobetsong motho o bona "botshelo go Modimo ka Kreste Jesu." Gape "fa re sule le Kreste re dumela gore re tlile go tsoga gape re tshela le Ene.
Lebelela Bagalata 3:27 gape e re, "jaaka bontsi jwa lona bo ile jwa kolobetswa Kreste bo apere Kreste." Bao ba "kolobeditsweng Kreste" ga ba tseye go tokahala ga bone ga pholoso botoka gonne ba apere Kreste. Kreste o nnile tshiamo ya bone e bile ba mo apere ka ntlha ya pholoso. Batho bao ba kolobeditsweng go Kreste ba beile "tumelo ya bone mo go direng ga Modimo yo o mo tsositseng mo baswing". Bakolosa 2:12.
I Petoro 3:21 e re, "kolobetso jaanong ya go pholosa". Ga e na sepe kgotsa ga e amane le go tlhatswa, go ntshiwa leswe mo nameng. Kolobetso, "e dira boikuelo mo Modimong gore go nne le bo itemogelo jo bo tlhapileng ka tsogo ya Jesu Kreste." Motho a ka nna jang le bo itemogelo jo bo tlhapileng fa a sa ntse a nna mo Sebeng? Kolobetso e tlhatswa botho jwa rona gonne boitshwarelo jwa dibe bo tla ka kolobetso go fetwe ka loso, phitlho le tsogo ya ga Jesu Kreste.
SENOKWANE MO SEFAPANONG
Potso go le gantsi ya tlhagelela e e reng, "Go tweng ka senokwane se se mo sefapanong? Ga go na mo go kwadilweng teng go buiwa ka sone gore se kolobeditswe mme Jesu o mo raya a re, o tla nna le e ene mo Paradaiseng. Karabo ya se e fitlhelwa mo go Bahebera 9:15-17, e e reng:
"Ka moo ke motsereganyi wa kgolagano e ncha, gore bao ba biditsweng ba amogele tsholofelo ya bo ja boswa jo sa feleng fa e sa le loso lo nna teng go golola . Sebeng go tsweng mo kgolaganong ya ntlha. Koo go na leng thato teng, loso lwa yoo o le tlhodileng le tshwanetse go nna teng. Gonne thato e nna e tseneletseng ka loso jaaka e sa nne eo e pateletswang fa mong wa yone a sa ntse a tshela."
Senokwane mo sefapanong ga se a ka sa tshela mo tlase ga Kgolagano e ncha mme mo kgolaganong e kgologolo. Se sale pele ga kgolagano e ncha e tla nna teng. Se sule mo tlase ga molao e seng mo tlase ga mohau. Fa madi a ga Kreste a ne a tshologa le go "nna teng ga loso lwa Gagwe", Thato e ncha ya nna simolola go nna teng. Mo Kgolaganong e ncha batho ba tshwanetse "go sokologa le go kolobediwa mo leineng la ga Jesu Kreste gore dibe di itshwarelwe, le go amogela neo ya Moya o o Boitshepo."
MOYA O O BOITSHEPO
Mo Kgolaganong e Ncha Moya o o Boitshepo o ne o abelwa batho ka mefuta e le meraro. (1) Go tswa legodimong ka sebele, Ditiro 2:1-5, (2) Peo ya matsogo a Baapostolo, Ditiro 8:17-18 le 19:6-7, le (3) Mo kolobetsong, Ditiro 2:38 le 19:2-5. Go na le lebaka le le kgethegileng la mofuta o mongwe le o mongwe le mosola wa gore ke goreng Moya o o boitshepo o ne o abilwe ka mekgwa e e farologaneng mo bathong ba mefuta.
KOLOBETSO YA MOYA O O BOITSHEPO
Mo go Ditiro 1:1-5. Jesu o solofeditse Baapostolo gore ba tla amogela maatla go tswa legodimong mo sebakeng se se gaufi. Ditiro 1:5 e re:
"Johane one a kolobetsa ka metsi, mme pele ga malatsi a mantsi lo tla be lo kolobediwa ka Moya o o Boitshepo."
Jesu o solofeditse Baapostolo e bile e nnile bone go se amogela. Mo kgaolang ya bofelo ya Ditiro badumedi ba ile ba tlhopa a le mongwe go tsaya maemo a ga Jutase bore e nne Baapostolo ba le somepedi. Yoo o ilweng wa tlhopiwa e nnile Matthias "a tlaleletswa mo palong ya ba le somenngwe." Go simololeng mo kgaolong ya bobedi "botlhe ba ne ba le golo go le gongwe fela." Go a itlhalosa gore lereo "ba" le raya Baapostolo gonne ke lone lereo le le gaufi go neeletsa.
Bo nnete jo bo feteletseng ke jwa gore, "Petoro o ne a eme le ba le somenngwe", e seng ba le kgolo somemabedi. Ditiro 2:14. Lebaka ke gore ba le kgolo somemabedi ba ne ba sa kolobediwa ka Moya o o Boitshepo. Gape mo go Ditiro 2:43, "metlholo le ditshupo di ne di a dirwa e le ka ntlha ya bone e leng Baapostolo". Baapostolo ke bone fela ba go dira metlholo ofeng kapa ofeng go fitlha kgaolong ya barataro ya Ditiro fa "peo ya matsogo" e ne e diragala. Lefa Baapostolo e ne e le bone fela ba dirang metlholo, Modimo o ne o ntse o neela yo o dumelang Moya o o Boitshepo, Ditiro 2:38 le 5:32.
Kolobetso ya Moya o o Boitshepo e tlile go tswa legodimong e patilwe ke modumo "ekete go foka ga phefo e sa iketlang" ke fa "go tlhagelela diteme tsa molelo di nna mo go bone". Ba bua ka diteme le bone. Seo se diragalang fa kolobetso ya Moya o o Boitshepo e tlile se ka bonwa sa ba se a utlwa. Ditiro 2:33 e re: "Moya o o boitshepo o tshetse seo lo se bonang lo be lo se utlwa".
Mokgwa o o latelang wa Moya o o Boitshepo ka go tla ga one o kwadilwe mo go Ditiro 10:44-48. Seo se tlisa mafoko a malemo fela jaaka bone. Re a itse gore se ke se se tshwanang tota le seo se diragetseng mo go Ditiro 2 ka ntlha ya Ditiro 11:15. Petoro o lebana ditiragalo mo Bajuteng fa a re: "fa ke simolola go bua Moya o o Boitshepo wa ba aparela fela jaaka rona go tloga tshimologong? Mo tshimologong Moya o o Boitshepo o tlile go tswa legodimong ka modumo o mogolo wa phefo ga ba ga tlhagela mo go bone diteme tsa molelo. Seo se diragetseng mo go Ditiro 10 se diragetse sebaka sa dingwaga di le supa go tsweng go Ditiro 2. Petoro ga a ka a bona se go fitlha ka go tla ga letsatsi la Moya o o Boitshepo pele ga dingwaga di le supa gonne o rile, "Moya a o Boitshepo o ba aparetse fela jaaka bone mo tshimologong." Bajuta ba ntlha ba amogetse Moya o o Boitshepo ka tsela e le Baditshaba ba ntlha ka one tsela eo. Modimo ga se mo obamedi wa batho.
MOYA O O BOITSHEPO KA PEO YA DIATLA TSA BAAPOSTOLO
Mo kgaolong ya borataro ya Ditiro tiro ya thero le kgaogana ya dithoto e nnile namane e tona ya tiro go Baapostolo. Ka moo banna ba le supa ba ile ba kgethwa, bao ba neng "ba tletse ka Moya o o Boitshepo" ba bewa fa pele ga Baapostolo. Ba ile "ba ba rapelela ba ba baya matsogo." Mo go Ditiro 6:8 re buisa gore Stefane (Mongwe wa ba supa), "o dirile metlholo e megolo le ditshupo mo bathong." Mo go Ditiro 8:6 batho ba Samaria "ba ile ba tsaya tsia seo se neng se buiwa ke Filipo," (o mongwe wa ba le supa) "fa ba mo utlwa le go bona ditshupo tseo a di dirileng." Metlholo e kwadile mo go temana ya bosupa. Mo go Ditiro 5:12 ke Baapostolo fela ba kgonang go dirang metlholo ka diatla tsa bone. Mme mo kgaolong ya borataro morago ga gore Baapostolo ba beye diatla ba bangwe le bona ba simolola go dira metlholo.
Le fa Filipo a ne a kgona go dira metlholo e, ga a ka a e diragatsa mo go Basamaria. Le fa go ntse jalo mo go Ditiro 8:14 e rile fa Baapostolo kwa Jerusalema ba sena go utlwa fa Basamaria ba amogetse efangele ba romela Moapastolo Petoro le Johane kwa go bone, ba ba "rapelela gore ba amogele Moya o o Boitshepo ka ba ne ba ise ba o amogele ba ne ba kolobeditswe fela ka leina la Morena Jesu. Ka moo Baapostolo ba ba baya diatla gore ba amogele Moyo o o Boitshepo." Mo go Ditiro 8:18 "Simeone a bona gore Moya o o Boitshepo o ne o neelwa ka peo ya diatla tsa Baapostolo."
Mo go Ditiro 19:6-7 Poulo o baya matsogo mo Baapostolo "ba ka nnang somepedi" banna bao e neng e le barutwa ba ga Johane Moya o o Boitshepo wa tla mo go bone "ba bua ka diteme ba be baporofeta." Poulo o netefatsa ka Boapostolo jwa gagwe mo go 1 Bakorinta 9:1-2.
TLHALOSO
Ke ka ntlha ya eng Moya o o Boitshepo o ne o neelwa ka mefuta e le mebedi e? (1) Kolobetso ya Moya o o Boitshepo le (2) Moya o o Boitshepo ka peo ya diatla tsa Baapostolo. Ka bobedi jo bo na le ditshupo le metlholo. Bobedi jo, bo kgontsha yo amogetseng go dira motlholo o le mongwe kgotsa metlholo jaaka go bua ka diteme, go porofeta kgotsa phodiso. Karabo e mo go 1 Bakorinta 13:8-13. Fa mongwe a buisa 1 Bakorinta a gakologelwe gore kgaolo ya 12 le 13 le 14 di bua ka dineo tsa Moya o o Boitshepo. Mo go 1 Bakorinta 13:8 Poulo o re:
"Seporofeta se tla feta; diteme di tla khutla; kitso e tla feta."
Poulo o bolela mo go temana ya 9 le l0 gore se se tla diragala leng:
"Gonne kitso ya rona ga e a felela le Seporofeta; sa rona ga se a felela mme fa botlalo bo nna teng bo seng botlalo bo tla feta."
Botlalo bo tota bo raya "phelelo" kgotsa "go felela", go sa tlhoke ka gope. Beibele e "feletse" kgotsa e "botlalo". Johane o feditse buka ya Tshenolo e ka nna ka sebaka sa 95 A.D. e bile ga go ise go tlhole go nna le buka ya botlaleletsa morago ga moo. Beibele e botlalo. E nale tlhaloso yotlhe eo motho a batlang go itse ka Modimo. "Molao wa kgololesego" kgotsa Beibele e bidiwa botlalo mo go Jakobo 1:25.
Le fa Beibele e le botlalo go rona Baapostolo le bao ba neng ba ruta ba ne ba sena Kgolagano e Ncha. Ditshupo tseo ba di amogetseng go tswa go Moya o o Boitshepo e ne e le go ba thusa go fitlhelela "botlalo" kgotsa Kgolagano e Ncha e fediwa. Ditshupo tse e ne e le karolo nngwe ya go gola ga kereke e potlana go ya go e itekanetseng, 1 Bakorinta 13:11.
Testamente e Ncha e rile go fediwa e ne gore e bontshe motho seo a neng a le sone, 1 Bakorinta 13:12 le Bahebera 4:12-13. Fa Testamente e Ncha e ne e fediwa, Seporofeta le Kitso (tlhotlheletso go kwala lokwalo) "di a feta," le "diteme" di a khutla.
Se le sone se netefaditswe mo ditiragalong. Borra kereke (bao e neng e le dipaki tsa Baapostolo kgotsa ditsala tsa bangwe ba bona) ba ile ba tlhagisa ka go kwala gore ditshupo le metlholo e ile ya khutla ka bofelo jwa dingwaga di le kgolo a mabedi (150-200 A.D.) . Johane ene ele Moapostolo wa bofela go swa mo sebakeng sa 95-97 A.D. Yoo Johane a ka tswang a mo beile matsogo labofelo e ka tswa e le wa bofelo go dira metlholo. Metlholo ene e sa tlhole e tlhokega. Testamente e ncha e botlala. Le kereke le yone e ne e tswa kwa tsalong ya bobedi kwa Jerusalema mo nakong eo Moya o o Boitshepo o tlileng ka yone, go ya lefatsheng ka bophara, mmele otlhe, Bakolosa 1:23.
Dineo tse tsa Semowa di dirisitswe mo makwalong a mangwe jaaka 1 Timotheo 4:4 le 5:22. Mo go 2 Timotheo Poulo o bolelela Timotheo gore, "atsoseletse neo ya Modimo e mo go ene eo a e bone ka peo ya matsogo a ga Poulo le Baapastolo."
Fa Poulo a ne a kwalela Bakorinta o bua ka dineo tsa semowa (metlholo, diteme jalojalo). Le fa go ntse jalo a kwalela Baroma - kereke eo e neng e sa simololwa ke Moapostolo, Poulo ga umake dineo tse tsa semowa. Baroma ba nale Moya o o Boitshepo go ya ka lokwalo lwa Baroma 5:5, mme Poulo o eletsa go ba bona "gore a tle arogane neo tsa semowa go ba maatlafatsa", Baroma 1:11. Ga ba na dineo tsa metlholo gonne ga go na Moapostolo yo o tlileng a ba bayang matsogo.
MOYA O O BOITSHEPO O NEELWA KOLOBETSONG
Mo go Ditiro kgaolo ya bobedi kolobetso ya Moya o o Boitshepo e tlile mo Baapostolong .Ba ile ba rera maatla a ditiro tsa Modimo. Petoro o ile a ema le Baapostolo ba le somenngwe a bolela batho ka Jesu. Petoro o boleletse ka loso la ga Kreste, phitlho le tsogo go tswa baswing le gore Jesu o ne a le letsogo le le jang la Modimo. Ditiro 2:37 e re:
"Erile fa batho ba utlwe se, ba ne ba amega pelong, ba re go Petoro le Baapostolo ba bangwe, bakaulengwe re tshwanetse go dirang?"
Ditiro 2:38-39 e neela ka karabo ya ga Petoro.
"Petoro a re go bone, Sokologang lo be lo kolobediwe mo leineng la ga Jesu Kreste gore dibe t–a lona di itshwarelwe lo tla amogela neo ya Moya o o Boitshepo. Gonne tsholofetso e go lona, bana ba lona le bao ba kgakala, o mongwe le o mongwe o Modimo wa rona o mo biditseng."
Batho ba, ba ne ba boleletswe gore ba tla amogela neo (e seng dineo) ya Moya o o Boitshepo. Modimo o neela Moya o o Boitshepo go bao ba mo utlwang, Ditiro 5:32, mme ditshupo di ne di neetswe fela Baapostolo go fitlha ka Ditiro 6 morago ga moo e nne go bao Baapostolo ba ba beileng diatla. Mo go Ditiro 2:39 Petoroa re, "gonne tsholofetso e go lona le bana ba lona le go bao ba kgakala, o mongwe le o mongwe o o Morena Modimo wa rona a mmeditseng." Tsholofetso ke boitshwarelo jwa dibe, le neo ya Moya o o Boitshepo ka kolobetso. Tsholofetso e ne e le ya bao ba utlwileng Petoro, bana ba bona le bao ba kgakala. Lefa re le "kgakala" go tswa tshologong ya Moya o o boitshepo kgotsa go nneng Bajuta, tsholofetso e sale ya rona. Tsholofetso ya rona go tsweng Modimong ke gore re tla amogela "boitshwarelo jwa dibe le neo ya Moya o o Boitshepo ka kolobetso."
Mo go Ditiro 19:1-7 Paulo o botsa barutwa ba go Johane, "A lo ne lwa amogela Moya o o Boitshepo fa lo ne lo dumela?" Ga ba ise ba ka ba utlwe fa Moya o o Boitshepo o neelwa. Ke fa Poulo a botsa, "Lo kolobeditswe kolobetso efeng?" Ga ba a ka ba amogela Moya o o Boitshepo gonne kolobetso ya Bone e ne e se yona. Banna ba ne ba kolobeditswe kolobetso ya ga Johane. Kolobetso ya boitshwarelo jwa dibe e bile neo ya Moya o o Boitshepo e ne ka nako eo e le eo e tseneletseng. E rile morago ga ba sena go kolobediwa mo leineng ya ga Jesu ka ntlha ya tsholofetso e, Poulo a ba baya diatla ba simolola go bua ka diteme ba be baprofeta.
Ditiro 8:4-25, Filipo o dirile ditshupo le dikgakgamatso batho ba be ba dumela, ba kolobediwa mo leineng la Jesu. Le bona ba amogela tsholofetso e e mo go Ditiro 2:38 (boitshwarelo jwa dibe le neo ya Moya o o Boitshepo). Lefa go le jalo batho ba Samaria ba ne ba sena neo ya kwa ntle eo e bonagalang. Ba ne ba sena ditshupo tseo di bonagalang go fitlhela Moapostolo Petoro le Johane ba baya diatla. Phetogo ya bone e ne e sena mosola fa ba sena Moya o o Boitshepo. Baroma 8:9 e re: "Mongwe le mongwe yo o senang Moya wa ga Kreste ga a mo tshwanela."
Le ka go tsalweng seswa go gongwe mo bukeng ya Ditiro go kwadilwe gore batho ba a kolobediwa. Sekao ke sa moopahadiwa wa Mo Ithopia, Ditiro 8:26-40; le sa ga Lydia le ba ntlo ya gagwe, Ditiro 16:11-16, le motlhokomedi wa kgolego e leng Mofilipo, Ditiro 16:25-34. Ba botlhe ba ne ba kolobeditswe ka tumelo e mo tsholofetsong e mo go Ditiro 2:38. Fa e se jalo ga se ba ga Kreste ka gope. Ga go na tlhagiso epe ya go amogela Moya o o Boitshepo ka tsela ngwe. Go nale kolobetso e le ngwe fela go ya ka Baefeso 4:5. Kolobetso eo ke ya go tsengwa mo losong lwa ga Kreste gore dibe di itshwarelwe le go amogela neo ya Moya o o Boitshepo.
TIRO YA MOYA O O BOITSHEPO MO MATSHELONG A RONA GOMPIENO
Santlha e le sa bofelo Moya o o Boitshepo ke "neetefaletso ya borua boswa jwa rona go fitlhela re bo rua," Baefeso 1:14. Fa Poulo o tota a tlhalosa gore Modimo o re babaletsa ka Moya wa Gagwe go fitlhela tsatsi lengwe re ya legodimong. Moya o neetswe Bakreste e le go ba bontsha gore "ba tshelang jang mo kgalaletsong Modimo." Bakreste ba ba baletswe ke Moya o o Boitshepo go fitlhela letsatsi la thekololo. Le fa go le jalo. Moya o o Boitshepo o tla utlwisiwa botlhoko fa Bakreste ba sa Mo letle go thusa, Baefeso 4:30.
Ga re tlhoke thuso ya Moya o o Boitshepo mo go kwaleng lefoko la Modimo mme re tlhoka thuso ya Moya o o Boitshepo go Mo tlhaloganya. Modimo o re solofeditse se mo go 1 Bakorinta 2:10-13. Lefoko la sediriswa seo Moya o o boitshepo o se dirisang go bontsha motho gore a sokologe mo dibeng tsa gagwe, Bahebera 4:12-13. Tshaka ya Moya ke lefoko la Modimo, Baefeso 6-17. Fa motho a letlelela Moya o o Boitshepo go mo goga, ga a na a dira ditiro tsa nama tseo di fitlhelwang mo go Bagalata 5:16-21. Fa Moya o o Boitshepo a le mo matshelong a rona O tla ntsha maungo a Gagwe. Maungo a Gagwe Ke: lorato, boitumelo, kagiso, pelotelele, botho, tshiamo, boikanyego le boitshwaro.
Baroma 8:1-27 e re tlhalosetsa ka tiroya Moya go busa keletso ya nama. Gape e re bolelela ka moo Moya o thusang bokoa jwa rona mo thapelong ka go itsise maikutlo a pelo e leng "go batla mafoko." (Se ga se diteme gonne e le go batla mafoko).Moya o o Boitshepo o batlisisa dipelo tsa rona le "go rapela baitshepi go ya ka thato ya Modimo."