NKA DIRANG GORE KE PHOLOSIWE?

2666 - Tswana

Tuelo ya Sebe

E kwale ka mokwalo wa molelo ka go itshetlega magodimong, a go tuke mo pelong ya motho molao o o reng: "Tuelo ya boleo ke loso". Baroma 6:23. Ka dinako dingwe ga re lemoge gore sebe ke selo se se maswe jang. Re mo kotsing e eseng kana ka sepe, ka go itsalanya le sone; Sebe go le gantsi se lwantshana le bontle; se ka metlha gape se tota se itlhagisa, kitso ya rona ka ga sebe ka dinako dingwe e nna e e itekanetseng e le ka ntlha ya dithuto tsa Beibele; Sebe ka dinako dingwe se a kgabisiwa - "Borasha jwa setaki, go kwalwa ga mafoko a kgonego, lentswe la kgogedi, botlhe ba thapetswe go kgabisa sebe". Sekgabiso sa kwantle sa lebotlolo la botlhole se kgona go fetolwa, mme diteng tsa labotolo di kgona go tlisa loso. Ga gona phokotso mo tuelong ya sebe", tuelo ke "tlhokafatso e sa khutleng". Lebelela, Matheo 25:46; II Bathesolonika 1:7-9; Tshenelo 20:14,15. Ntle le gore dibe tsa me di itshwarelwe, ke ya latlhegileng.


Tlhoko Yame Pholosong


Nka se nne o lefatshe le ka mmitsang Moleofi o sa siamang, ke tla itsagala jaaka motho yo o botho, Nka nna yo o dirileng "tsa ma utlwelo botlhoko"; Mme ke leofile gape ke tlhaetswe ke kgalalelo ya Modimo. Netefatsa se go, Baroma 3:23; I Johane 1:8-10. Ga gona seo ke tla se dirang gore ke itshwarelwe dibe tsame tseo ke di dirileng; ke ka mautlwelo botlhoko a Modimo ke ka pholoswa.






Go Tlhatswiwa Go Tshwanetswe Go Dirwa


Modimo ke Modimo yo o mautlwelo botlhoko, e bile gape ke Modimo yo o siameng. O ka se phimole molao wa bosakhutleng wa gore tuelo ya sebe ke loso. Gape go na le molao o o reng: "Kwa ntle ga tshololo ya madi ga gona boitshwarelo jwa dibe". Buisa Bahebera 9:22. Kwa ntle ga go tlhatsiwa, Modimo o ka se nne Mosiame gape le Mosiamise wa yo o leofileng. Bala Baroma 3:21-26. Dipalopalo tsa diphologolo di ilwe tsa ntshediwa satlhabelo dinakong tsele tsa kgale gape di ntshetswa mo aletareng ya Bajuta, mme go tota go sa kgonege gore madi a diphologolo a ka tlosa maleo. Buisa Bahebera 10:1-4. Mo ditlhabelong tse go ne go nale, "boikgopotso jwa go dirwa ga sebe", tshebo pele ya "madi a boleng, a kwana e senang bogole gape e sena sepe se se leswafetseng, fela jaaka madi a ga Jesu Kreste". - I Petoro 1:19.


Madi A Tlhatswana


"Ga gona sepe se se ka tlosang maleo a me, sepe ntle fela le madi a Jesu; ga gona sepe se se ka ntlhwekisang gape, sepe ntle le madi a Jesu".


"Kreste o swetse maleo a rona go ya ka Beibele:". - I Bakorintha 15:3. Ke ka madi a gagwe a a tlhatswang gore re be re itshwaretswe. "Go tlogeng go ene (Kreste) re bone poloko ka madi a gagwe, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka mahumo a gagwe a mahai". - Baefeso 1:7 gape go latela.


"Gone go na le mongwe yo o neng a ithaopa go ntshwela, gore mowa o o se nang boleng o tle o tshele, gape tsela e e yang sefapanong o ne a nna le maitlhomo a go e ralala, gore dibe tsame tsotlhe di itshwarelwe".


Karolo Mo Go Seo Se Siameng


Ditshegofatso tsa gore o rekololwe di a bonwa "Mo go Kreste" (Netefatsa go Baefeso 1:7 go ya pele, gape le Baroma 8:1-3; 3:24). Mme re tla ya go e ne jang? Re tla itirela jang tseo di siameng ka setlhabelo sa gagwe? Moya o Boitshepo ka Poulo o re: "Re bana ba Modimo botlhe, ka tumelo, mo go Kreste Jesu. Jaaka bontsi mo go lona bone bo kolobeditswe Kreste bo apere Kreste". - Bagalata 3:26,27. Kgotsa a lo itlhokomolosa gore ba rotlhe bao ba neng ba kolobeditswe Jesu bane ba mo Kolobeditswe losong? - Baroma 6:3. Re nne go Kreste ka go mo kolobeletswa. Ke gore, "Ka kolobetso ya sekreste re ba tsayang karolo mo losong lwa ga Kreste". Mme tota kolobetso ya Sekreste ke efe, seo e leng kolobetso ya taelo e kgolo? Thuto ya Testamente e Ncha ya utlwagalo.


Thuto ya Go Kolobetsa


Mareko 16:16 - "Yo o dumelang a be a kolobetswa o tla pholosiwa".


Ditiro 8:12 - "Mme e rile ba dumela ... bane ba kolobetswa".


Ditiro 18:8 - "Le bontsi jwa Bakorinta go utlweng ba dumela, ba be ba kolobediwa".


Ditiro 2:41 - "Jaanong bao ba ileng ba utlwa lefoko la gagwe ba ne ba kolobetswa".


Ditiro 2:38 - "Sokologang, lo be lo kolobetswe".


Badumedi ba utlwileng botlhoko, ke bona ba tshwanelwang ke kolobetso ya Sekreste. Yo o sa dumeleng kgotsa a ise a sokologe a ka se kolobetswe go ya ka lekwalo.


"Kolobetso jaaka seo se bonalang se nyatsega (ntle le Phetogo ya semoya mo pelong ya Modumedi) ga e bonwe jalo mo Testamenteng e Ncha". Tumelo (tumelo e, e tshwanetswe go bolelwa ka molomo - Baroma 10:9,10) le tshokologo di tshwanetse go tsweletsa kolobetso ya Sekreste.


Tiragalo ya Kolobetso


Lefoko "kolobetso" ke segerika ke lefoko "baptizo" ka sekgoa e raya gore "go tsenya kgotsa nwetsa". Le fa re sa itse gore lefoko le, ka bo lona le raya eng, Makwalo a Beibele a tlhalosega gore o mongwe le o mongwe yo o na leng lekwalo la Testamente e Ncha a se palelwe ke go tlhaloganya se lo se buang. Le fa e sa tlhalosege sentle go ya ka ditumelo tsa batho mme Testamente e Ncha ka bo yone e a itlholosa.


Mareko 1:9 - "Jesu ... o ne a kolobetswa ... mo Joretane". Modumedi o tsengwa mo metsing, e seng go tshelwa ka metsi. Jesu o ne a kolobetswa mo teng ga Joretane e seng Joretane mo go ene.


Johane 3:23 - "Le Johane o ne a kolobetsa mo Anone gaufi le Salime gonne gone go nale metsi a mantsi koo".

Ditiro 8:36-39 - "... ba fitlha mo metsing a mangwe ... ba tsena mmogo mo metsing ... a mo kolobetsa ... ba tswa mo metsing."


Johane 3:5 - "Ntle le gore o tsalwe ka metsi le ka mowa, o ka se tsene ka mmuso wa Modimo". Kolobetso ke tsalo, ga gona sebopiwa se se ka tsalwang, sa nna segolo go nale moo se tswang gone, Mmele wa metsi o tshwanetse go nna mogolo go wa morutwa ya kolobetswang.

Baroma 6:4 - "Re ne re fitlhilwe jaanong le Ene mo kolobetsong go tsena losong: jaaka ka Kreste a ne a tsoswa baswing ka kgalelo ya ga Rara, jalo le rona re tshwanetse go tsamaya mo botshelo jo bo ntshwafetseng".

Bakolosa 2:12 - "... re setse re fitlhilwe le Ene mo kolobetsong, jaaka lo setse lo tsositswe le Ene". Kolobetso ya Sekreste, ka jalo e re supetsa phitlho le tsogo ya ga Jesu, se se akaretsa loso le tsogo ya Morutwa.

"Jaaka Kreste a swetse sebe sefapanong, jaanong yo o tla mo obamelang o swetse dibe tsa gagwe, o Sokologile. Jaaka Kreste a ne a fitlhilwe mo lebitleng le le ncha, mo tshimong, jaanong yo o suleng sebeng o fitlhilwe kolobetsong ya metsing. Jaaka Kreste a tsogileng baswing, ka moo mowa o o tsoseleditsweng o tswa mo metsing a kolobetso, ‘sebopiwa se se ncha mo go Kreste’. Mo lefokong, phetogo e ngwe le e ngwe ke poeletso ya tiragalo ya kwa Jesu a bapoletsweng teng. Re tshwanetse go swa, go fitlhwa le go tsoga gape".

Metsi, a mantsi, go ya metsing, go ya tlase metsing, a Phitlho, go tswa metsing, a tsogo, a tsalo - ga gona kgato epe go nale go inwa e ka fetisisang ponagalo e ntle e mo Testamenteng e Ncha.

Leano la Kolobetso

Ditiro 2:38 - "Sokologang, le kolobetswe ... go itshwarelwa maleo a lona; lo tla amogela neo ya Moya o Boitshepo".

Ditiro 22:16 - "Jaanong lo letetseng eng? Tsogang lo kolobetswe lo tlhatsweng dibe tsa lona, lo bitseng leina la Gagwe".

Baroma 6:4 - "... fela jaaka Kreste a ile a tsosiwa baswing ... le rona re tshwanetse re tsamaye mo botshelong jo bo ncha".

Baroma 6:3 - "... kolobeditswe Kreste Jesu". - go Bagalata 3:26, 27. Fa go le botlhokwa go nna mo go Kreste, ge kolobetso e botlhokwa.

Johane 3:5 - "Ntle le gore o tsalwe ka metsi le Mowa, o ka se tsene Mumso wa Modimo".

I Petoro 3:20,21 - "... araka go yona gone go nale bonnyane, ke mewa e le robedi, e neng e pholositswe metsing:fela ka go tshwana, le go ka go pholosa, le kolobetso, e seng go kgapela kwa thoko leswe la nama, mme potso e ntle letswalong la gago tebang le Modimo".

Mareka 16:16 - "Yo o dumelang a be a kolobetswa o tla pholosiwa".

"‘Tseo di kopantsweng ka go tshwana di kopanya dilwana tsa thuto ka go latelelana, le go di baya mo maemo a a tshwanetseng’. Go tlhalosega ga se: fa dilo tse pedi di kopantswitswe ka bong jo bo sa tshwaneng, sengwe se tlilwe go dirwa ka tsona, le fa go ka nna jang gantsi di tlile go fapaana ka mekgwa e mengwe, di tota di lekana seo se dirilweng. Sekao: Modimo o dirile legodimo le lefatshe. Legodimo le lefatshe ga di tshwane ka mabaka a farologaneng. Mme bo bedi bo ne bo dirilwe ... ga re ise re ke re utlwe molao kwa ntle ga se, kgotsa go utlwa mongwe ka puo nngwe le nngwe. Ga re dumele gore Motho a ka dira sengwe se se iseng se tsamaiwe se dirwe kwa ntle ga Beibele kgotsa mo teng, molao o tshegetsa o sa tlogele, go fitlha re fitlha mo puo eo morwa Modimo a neela motho pholoso ka yona; gape motho fa o tla dira kghetha. Kreste o rile, yo o dumelang a be a kolobediwa o tla pholosiwa. Lefa tumelo e ntsi le kolobetso di ka farologana, Kreste fa o a di kopanya, a be a dira pholoso ya tsone". - F. G. Allen

Fa o na le tshwanelo ya go baya Pholoso go tsweng dibeng tsa kgale pele ga kolobetso, o ka se gane o pe go utlwala ka tshwanelo ya go baya pholoso e, pele ga tumelo. Go busa ka go tshwana pele ga sengwe se dirwa, "tumelo" jaaka botlhokwa jwa pholoso ya rona, gape e baya "kolobetso" pele ga pholoso e. Tumelo kwa ntle ga ditiro tsa tumelo ga se sepe; legodimo ga le amogele. "A o a bona gore ka ditiro motho o a siamisiwa, e seng felo ka tumelo." - Jakobe 2:24.

Jesu, mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng, Kgosi ya Dikgosi, le Morewa wa Barena, o tsalanya tumelo le kolobetso jaaka e botlhokwa pholosong; a go se nne le ope yo o dikgaoganang.

Re pholositswe ka mohau, mautlwelo botlhoko, a Modimo. Pholoso e ka se nne mautlwelobotlhoko, e ka mabaka, Mpho "e ya mahala" ga e pateletswe bao ba e ganang, le go gana go ikokobeletsa maitshwarelo o Modimo o re tlhomogetseng ka one. Ga gona mautlwelo botlhoko tumelong le boikokobetso jalo; ke, gore ga gona sepe tumelong, tshokologong, boipolelo, kolobetso, le botshelo jwa sekreste joo bo re kgontsha go iponela botshelo jo bosakhutleng jo ka ntlha ya mautlwelobotlhoko. Di tota di sobokantse tsela e e kgatlisang e mo go yone wena le nna re tla nna ba tsaya karolo ka "mpho ya mahala". "Botshelo jo bosakhutleng mo go Kreste Jesu Morena wa rona."

Fa modumedi yo o neng a utlwile botlhoko a inwa mo metsing ka thato ya ga Jesu Kreste mo leineng la Rara, le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo, o solofetswa, ka go tlhatswa ka madi a kwana ya Modimo, go itshwarelwa maleo a gagwe a a fetileng. Ka moo o mo go Kreste, ke sebopwa se se ncha, o pholositswe, o rekoletswe, o ruantswe, o amogetswe, o segofaditswe, ke morwa wa Modimo, Mokreste.

Elatlhoko: O ka botsa: "Eng ka ngwana?" Pele ga o tla mo dingwageng tsa go ikarabela, ga a ise a leofe, ka ga seo ga a rua Sebe. Jesu o rile mo go Matheo 18:3 - "Ntle le gore lo sokologe lo tshwane le bana, lo tla tsena ka mmuso wa legodimo". Bana ka moo ba pholositswe. Ba ka se kolobetso go ya ka lokwalo go fitlhela ba nna le maikarabelo, dumela Jesu, o sokologela go Ene. Go bolelwa ka bana mo Beibeleng, fela jalo ka kolobetso; mme kolobetso ya bana le ya Bakreste ga di kopanngwe ka gope mo Beibeleng. Go kgatsa ngwana ka metsi mo tlhogong go ka se mo dire Modumedi kgotsa go mo sokolola, kgotsa ka go mo ina mo metsing le ka go ruta ngwana go fitlhela a nna le boikarabelo gore kgato e, e diragale go ya ka Beibele a tle a itshwarelwe ditlolo tsa gagwe, go ganetsana le thuto ya Mowa o o Boitshepo. Mokreste ope a seka a tsaya maiteko ape ka se.

Fa modumedi a inwa mo metsing go ya ka lefoko la Modimo, ditlolo tsa gagwe di a itshwarelwa; jaanong a ka dula fatshe, a iketla, a ya legodimong kwa ntle ga bothata. Fa a batla go nna le "Matseno go tsena mo pusong e e sa khutleng ya Morena wa rona le Mopholosi Jesu Kreste", o tshwanetse go dira ka natla go tshela botshelo jwa Bokreste. (Buisa 2 Petoro 1:5-11). A re shebeng ka boripane dilo tseo di akareditsweng mo.

Tokololo ya Kereke

Fa o batla go itshwarelwa dibe, modumedi o fitlhiwa mo lebitleng la metsi la kolobetso ya sekreste, Modimo wa mo akaretsa mo kerekeng ya Gagwe (Ditiro 2:47). Molao wa go itshwarelwa ga dibe le molao wa go tlisiwa ko kerekeng e ya tshwana Fa motho a kolobeditswe, o kolobeditswe mmeleng o le mongwe fela (I Bokorintha 12:13; Baefesa 4:4); Mmele o ke kereke (Bakolosa 1:18). Kreste ke tlhogo, o nale mmele ole mongwe, kereke e le ngwe fela; le mo Testamente e Ncha, O neile kereke ya gagwe molao wa kamogelo, wa kopano le kgalemo. Lefoko la gagwe le tshwanetse go nna lone le re thusang; ga re a tshwanela go oketsa kgotsa go fokotsa dithuto tsa lone.

Dingwe tsa makwalo a dirisitsweng go thusa dikereke tse: "Dikereke tsa ga Kreste" (Baroma 16:16, go lebisa dikerekeng tsa mogae); "Kereke ya Modimo" (I Bokorintha 1:2); "Mmele wa ga Kreste" (Baefeso 4:12); "Kereke" (Ditiro 12:1).

Se ke kereke eo motho a akarediwang mo go yone fa a ikokobeletsa Efangeli; gape kereke e o tshwanetse go tshepagala go ya losong - "o nne e le botlalo".

Ditaelo ka botlalo di go naya boikarabelo le ditshegofatso di a akaretswa mo tokololong ya kereke kgotsa botshelo jwa Sekreste jo bo neetsweng mo lefokong la Modimo. "Lekwalo le lengwe le lengwe le tlhotlheleditswe ke Modimo, le mosola go ruta, go re lemotsha, go siamisa, go laya ka tshiamo: gore motlhanka wa Modimo a itekanele, go siamela tiro e nngwe le e nngwe e e siameng". - II Timotheo 3:16,17.

Bakreste, ba buisa Beibele e le barapedi, ka botlhale, le kgapetsa-kgapetsa. "Buka e, e tsentse tlhaloganyo ya Modimo, seemo sa motho, mokgwa wa pholoso, go timela ga baleofi, le boitumelo jwa badumedi. Thuto tsa yone di boitshepo, ditshupo tsa yone dikopane, ditiragalo tsa yone dikopane, ditiragalo tsa yone di boamaruri le ditshwetso tsa yone di a re thusa. E bale go nna yo o maitemogelo, e dumele gore o bolokege, o e diregatse gore o nne boitshepo. E nale lesedi go go bontsha, dijo go go fepa, le boitumelo go go itumedisa. Ke mmapa wa moeti wa moeti, masupa tsela oa mo kgweetsi wa sefofane, tshaka ya lesole, le pampiri ya dikopo tsa Mokreste. Fa paradaise e boetse, legodimo le budilwe, dikgoro tsa bobipo di bulwe ... e tshwanetse go tlatsa menagano, busa pelo, le go ela tlhoko maoto. E bale ka bonye, kgapetsa, le ka thapelo ... re e neetswe ka botshelo. E tla bulwa, e gopolwe ka dinako tsotlhe".

Tiro le monyetla wa leloko la kereke ka tlotlo le thapelo, go neela, phenyo ya mewa, tumelo, Kitso, go itshwara, go tshwarelela osa tlogele, bomodimo, lerato la bakaulengwe le boutsi jwa dilo tsa tshwana, di tla tlhagisiwa sentle ke lefoko la Modimo.

Leina

Go na le leina le le lengwe fela leo bao ba ikokobeletsang Efangeli ba le dirisang mo Testamenteng e Ncha (barutwa, bakaulengwe, baitshepi, bana ba Modimo, jaaka gontse, ke tlhaloso ya mekgwa mengwe le botsalano, mme ga se maina e le tota).

Leina le ka botlalo ke Mokreste. - Ditiro 11:26; 26:28, I Petoro 4:16.

Fa motho a kolobeditswe Kreste, o nna Mokreste - fela Mokreste, e seng sepe gape, go a tshwanela epe go ya ka Beibele go nna le leina lengwe le le tla mo farologanyang mo Bakresteng ba bangwe. Ka mantswe a mangwe, ga a tshwanela go apara, botokololo jwa kereke ya ga Kreste, leina lepe ntle la Mokreste. Go apara maina a batho go latofaditswe ke thuto ya Testamente e Ncha. Buisa I Bakorintha 3:1-4; Baroma 8:6-8; Bakolosa 3:17; I Petoro 4:16.

Reetsa kgalemo ya ga Martin Luther fa a ne a re: "Santlha, ke a go rapela tlogela leina la me, lo seka lwa ipitsa Lutherans, mme Bakreste Luther ke mang? Tumelo eo ke dumelang ga se yame? Ga ke a ka ke a bapolewa ope. Moitshepi Poulo (I Bakorinta 3) ga a ka a rata go re bangwe ba ipitse ba ga Paulo, kgotsa ba ga Petoro, a e nne ba ga Kreste. Go ntekane go le go kae nna o ke seng wa sepe gore ke neela bana ba ga Kreste leina lame? Tlogelang, ditasla tsame, go itsalanya le maina a le dikgaogano, a tloge a otlhe, mme re ipitse ba rotlhe Bakreste, go tlogeng go Ene o tumelo ya rona e tswang. Botshelo jwa ga Martin Luther ka M. Michelet. Kaba ya 262.

Sejo Sa Morena Sa Bosigo

Go tswa ketapelong ya baapostolo ba tlhotlheleditsweng, kereke tsele di ne di kopanela letsatsi lantlha la beke go kgaogana senkgwe. "Ka tsatsi la ntlha la beke, Poulo a nne a bue le bona". - Ditiro 20:7. Bane ba kopana ka dinako tsotlhe: Ka moo go kgonegang go ne go na le letsatsi le le lengwe fela. Mo go Bahebera 10:24,25; re bala: "A re tlhokomelaneng gore re isaneng loratong le ditirong tse dintle; re seka ra ngala diphutego tsa rona, jaaka e le tlwaelo ya ba bangwe".

Tiragatso tse di botlhokwa kerekeng tsele di ne di fetotswe kwa bofelong ke tlhotlheletso ya boapostolo, fa motho a tlogela tumelo ya boapostolo o itirela ya gagwe.

Mme leano la ga Kreste le tseneletse, le go Bakreste gompieno fela jaaka go Bakreste ba dilemo tsa ntlha, bane ba nale kopana mo letsatsi la ntlha la beke, letsatsi la Morena, ka Morena wa gagwe mo tafoleng.

"Letsatsing la ntlha la ga Presidente Garfield ka Sateretaga mo Washington jalo ka Presidente, tokololong nngwe ya Kabinete ya tshitsinya gore go nne le kopano ka ura ya lesome mosong, tsatsi leo le latelang e ne e le ka go rarabolola mathata a aparetseng setshaba. Garfield a gana mo letlhakoreng le lengwe ka se. Tokololo ya kabinete ya tsitshinya a gana gape ka ntlha ya gore a re, o ne ae itsalentse le se pele. Garfield ka jalo a se dumelane. Tokololo ya Kabinete ya tshwaela ka gore: ‘Ke rata go itse gore o ne o itsalentse le mang gore botsalano bo ka se kgone go kgaogangwa! Garfield a araba: Ke tla rata fela jaaka wena. Botsalano jwame bo magareng a me le Morena wame le go kopana le Ene kwa ga gagwe le go nna mo Tafoleng ka ura ya 10:30 ka moso, e bile ke tlabe ke le gona’ O he a le teng. Mathata a fela. Setshaba sa bolokesega. O ne a tshepagala mo go obameleng (I Bakorintha 11:23-30). - C.J. Sharp.

Go tla Tafoleng ya Morena ga ya tshwanela go nna selo fela, ga ya tshwanela go nna selo fela sa tlwaelo, ga ya tshwanela go nna selo seo se tla elwang tlhoko ka mokgwa o o sa tsenelelang. E tshwanetse go nna nako ya botsalano le Mmoloki wa rona o tshegofetseng, nako ya boikokobetso le go batlisisa ka go itshekatsheka, nako ya go kopa mautlwelo botlhoko kwa bogosing jwa mohau, go tsosoloswa ga mewa ya rona, ‘go ntshwafatsa ga tsholofetso e mo go Kreste, go theiwa ga tumelo ya rona e ncha, tshegofatso ya maphelo a rona go Morena, go lebelela morago koo Jesu bapotsweng, go lebelela go Motshedi le Morena o o busang, le go lebelela pele go tla ga gagwe ka kgalalelo gape ka seo se ratwang magodimong e leng go kopana ga mmogo mo Tafoleng ya Morena ka Letsatsi la Morena.

Krone ya Botshelo

"Ka moo tshepagalang losong, ke tla go naya serwalo sa botshelo". - Tshenolo 2:10.

Ke tlile ke a tsamaya ke a bala sengwe se kwadilwe molaetsa o o reng: "Morago ga dingwaga di le masomemane tsa katlego, ke ile ke a ikaelela go tlogela". Mongwe a ka tlogela tiro e le rakgwebo; Mme jaaka Mokreste, motho o tshwanetse go tswelela o lwa ntwa e e molemo fa botshelo bo sa ntse bo le teng le bogosi. Go le gantsi mo tsela e fapogang teng, satane o seba mo ditsebeng tsa rona, "itlhoboge". Bangwe ba a tshepagala go fitlhela ba utlwa botlhoko, bangwe ba a tshepega go ya go ile e le fela gore ba bone seo ba se batlang; bangwe ba a tshepagala go fitlhela ba nyema mooko; bangwe ba a tshepagala go fithela "go nna le dikgotlang", bangwe ba a tshepagala go fitlhela ba latofatswa, ka tshiamo kgotsa ka go sa siame, bangwe ba a tshepagala go fitlhela go tshepagala go batla bontsi jwa tshiamo go e tlhotlheletsa; bangwe ba a tshepagala go fitlhela ba "tsiediwa ke mahumo" kgotsa "go tlhokomela lefatshe", bangwe ba a tshepagala go fitlhela lefatshe le ba utlwisa botlhoko le go ba kgoba. Beibele e balega e re: "Tiang go ya losong".

"Fa e le gore ka letsatsi la katlholo bao ba emeng ka mo letsogong la molema la moatlhodi ba tshwanetse go kgaogangwa ka ditlhopa, go tla nna le baakahadi, bao ba buang maaka, jalo jalo; Mme gape go tla nna le setlhopa sa bao ba ileng ba ‘itlhoboga!’"

"Ga gona ope, yo o tlileng a baya letsogo phatleng, a sheba morago, a itekanela puso ya Modimo" ... Luke 9:62. "... Yo o itshokang go ya bokhutlong, o tla pholoswa". - Matheu 10:22. Re tla se atlega mo boemong jwa lefatshe, mme re tshwanetse go tshepagala; "tota, go tshepaga ke katlego". Re tshwanetse re nne le moya o tshwanang le wa ga George III fa a re: "Ke tla neela ka krone yame, le go tloge maatleng ame; ke tla tloga mo setulong sa bogosi ke ya mo mokhukong, ke tla baya tlhogo yame gongwe gore e kgaoge, ke tlhoke botshelo; mme nka se kgaogane le maikano ame". Mokreste o tshwanetse go nna a ikanyega go Kreste le fa go mo batla botshelo jwa gagwe jotlhe. Go a twe ka Polycarp fa a ne a tlisiwa mo setulong sa katlholo, le go tewa go twe a itatole le go rogaka Kreste, a tia a re: "dingwaga tse some ma robedi le borobedi ke Mo direla, ga ise a ke a nteofele; jalo ke tla roga jang kgosi yame, yo o mpholositseng?" O ne a latlhelwa mo molelong a swela Kreste a itumetse, gonne e le Morena le Mong wa gagwe". "Ga lo ise lolwe le madi a ba ba tlhaga, ntwa eo lo e lwang le sebe". - Bahebera 12:4. Matlhabisa ditlhong! Ka Bakreste ba itlhobogang!

Yo o ikokobeletsang Kreste o tla amogela serwalo sa bogosi, botshelo jo bosakhutleng le Kreste, yo o tsogileng baswing, a galaletswa, mmele o sa boleng, matseno a lefatshe le "Modimo ... o tla tlosang dikeledi matlhong a bona; loso ga le kitla le nna teng, le selelo le phurano ya meno le kutlobotlhoko ka gope". - Tshenolo 21:3,4. Buisa Johane 14:1-3; Bafilipi 3:20-21; I Bathesalonika 4:13-18; I Bakorintha 15:50-58.
Taletso

"Moya le monyadiwa bare: Tlo. Le yo o utlwang a are: Tlo. Le yo o nyorilweng, a a tle: Le yo o ratang a tseye metsi a bophelo mahala".- Tshenolo 22:17.

Tsala yame e rategang taletso ya efangele e tla mo go wena. Jesu o eme mo kgorong ya pelo ya gago, o a kokota, mme go kokota go ka mogare. A o ka Mo letlelela go tsena?